Ba Tutume ba tlhagisiwa ka bolwetse jwa molafo
TUTUME: Ba lephata la matlhoko a leruo kwa Tutume ba tlhagisa batho ka tlhagogo ya bolwetsi jwa molafo mo motseng wa Tutume.
Ngaka ya leruo kwa lephateng la matlhoko a leruo kwa Tutume, Dr Elisha Nyakarobo o kopile barui ba dintsa le dikatse go di kentisa kwa lephateng leo.
O kopile gape gore barui ba dintsa ba di tswalelela mo malwapeng a bone kana go di golega go laola metsamao ya tsone. Dr Nyakarobo o tlhagisa batho go ela tlhoko maitsholo a diruiwa tseo, a re fa e se a tlwaelesegileng mo leruong la go nna jalo, ba begele ba lephata leo ka bofefo.
O supile fa bolwetsi joo bo le borai ,ka jalo mongwe kana bangwe fa ba ka amana le seruiwa sa go nna jalo,ba bone ba bongaka nako e sale teng.
A re le yone nama ya seruiwa se se lomilweng ke ntsa ya molafo e borai thata go ka jewa.
