Mokganselara Wa Sefhophe O Tla Bolokwa Ka Matlhatso
Mokhanselara wa motse wa Sefhophe Rre Christopher Motsholapheko, yoo tlhokafetseng kgwedi ya Phukwi e le masome mabedi le bone o tlaa bolokwa kwa Sefhophe ka Matlhatso.
Moemedi wa ba lelwapa, Kgosi Diloro Segwabe ebile e le rangwaneagwe moswi o tlhalositse se mo potsolosong.
Kgosi Segwabe o tlhalositse fa Rre Motsholapheko a ne a rata batho e bile e le moemedi wa popotla, a supa fa ba tla mo gakologelwa ka ditiro tsa gagwe tse dintle tse a di diretseng se tshaba.
O kgothaditse morafe wa Sefhophe go tshwaragana le go nna le tsholofelo mo modimong.
O ne a tlhalosa fa go direla setshaba ga ga Rre Motsholapheko go ne ga dira gore a tlhophiwa go nna modulasetilo wa khansele ya Bobirwa ka ngwaga wa 2019.
Kgosi Segwabe o tlhalositse fa tirelo ya segopotso sa ga Rre Motsholapheko e tlaa tshwarwa ka Labone kwa Bobonong ka nako ya bobedi mo tshokologong.
Rre Motsholapheko o tlogela mosadi, bana ba le bararo le batsalwa le ene ba le babedi.
Pego: Gaboselwe Olesitse
